Batseems xalRr w
(This page's format needs to be reviewed. You can help by editing it.)
GO SENYEGELWA KE BOIMANA
[0]
[1]
[2]
Go senya bomana go ka tlhalosiwa fa ele go khutisa boimana ka go ntsha losea mo popelong pele ga nako ya lone ya go tsholwa. Go senyega gwa boimana go gabedi:boimana bo ka senyega ka peleego bo senyegang e le ka peleego fa jo bongwe e le go ntsha losea mo sebopelong sa mme ka itetlo. Setlhogo sa gosenyega ga boimana se remeletse thata mo go senyegeng ga boimana jwa batho gona le diphologolo.
Mo mafatsheng aa tlhabologileng go khutisa boimana ka fa molaong ke ngwe tsela ya go dibela botsogo jwa mme mo diphatseng. Dikete tse di masome a supa(70 thousand) tsa dintsho tsa bomme ba ba khutisang boimana ka metlhale e e sa babalesegang di gatisiwa ngwaga le ngwaga mafatshe otlhe ga mmogo le dipalo tsa dikete kete tse tlhano(5 million) tsa bomme ba ba felelang bana le bogole. Palo ya bomme ba ba senyegelwang ke boimana ngwaga le ngwaga go akarediwa le ba ba senyegelwang ka ga molaong e ka tshwara dikete kete tse di masome a mane le bobedi (42 million),fa mo go tsone dikete kete tse di masome a mabedi(20 million) ele tsa ba ba khutisang boimana ka itetlo mafatshe otlhe ka bophara. Forty percent of the world's women are able to access therapeutic and elective abortions within gestational limits.[10]
Tshenyo ya boimana e eseng kaga molao go lobaka e diragala ka go bo e kukeletswa ke metlhale e mentsi e tshwana le bo go dirisadi tlhatsana tsa kalafi, di dirisiwa tse di loweditsweng, le mengwe metlhale ya setso. Segompieno se dirisa loaro le melemo go senya boimana. Kanoko ya go senya boimana e farologana thata mo mafatsheng ka ntlha ya dipharologano tsa di tumelo, teseletso/melao, ditiragalo le dingwao. Mo lefatsheng ka bophara go tlwaelesegile e bile setshaba se kgaogane ka bogare ka go tlhoka kutlwisisano ka tsamiso le melawan ya tshenyo boimana. The incidence of abortion has declined worldwide as access to family planning education and contraceptive services has increased.[12]
MEFUTA YA GO SENYEGELWA KE BOIMANA Go senyega ga boimana ka itetlo Go senyega ga boimana mo mafatshe fatshe go ka tshwara dikete kete tse makgolo a mabedi le botlhano (205 million). ).Bontsi jwa dipalo tse di gatisewang,go gatisewa tshenyo ya boimana ka itetlo [1]. Boimana bo ka senngwa ka ditsela dile mmalwanyana. Tsela ya go ka senya boimana e laolwa ke losea lolo mo popelong gore le botona bo kae. Fa e mengwe metlhale e ka dirisiwa ka go bo molao o letile gore boimana bo sengwe, kgotsa ele ka ga tumelo,bongaka jwa sekgoa le molwetse ba ka rutuetsa go dirolola boimana.
Boimana bo ka dirololwa go lebilwe mabaka a tshwana le bo kalafi le itetlo. Tirilolo ya boimana mabapi le tsa kalafi e direlwa go boloka botshelo jwa mmelegi mo diphatseng di tshwana le bo go latlhegelwa ke tlhaloganyo le bogole. Boimana bo ka tlhalosiwa fa e le jwa itetlo fa mme oa dumalane kgotsa a batla gore khutiso ya boimana e diragale.
Go senyega ga boimana ka peleego [24] Go senyega ga boimana ka peleego ke bokhutlo jwa boimana jo bo diragalang e se ka maikaelelo. Tiragalo e e diragala mo go bomme ba ba itsholofetseng ka lobaka lwa dibeke dile masome a mabedi (20) go ya kwa go masome a mabedi le bobedi (22). Boimana jo bofelang morago ga dibeke tse masome a mararo le bosupa,losea lwa tleng lo bitswa go twe ke ngwana yo tshotsweng pele ga nako. Fa ngwana a tlhokafaletse mo popelong o bitswa go twe ke stillborn ka puo ya sekgoa Fa motho wa mme a khubame pele ga nako kgotsa a tlhokafaletswe ke losea lo sale mo popelong ga a bitswe go twe o senyegetswe le fa ka nako dingwe re bitsa jalo.
Dipalo di ka tshwara 30% go ya kwa go 50% tsa bomme ba ba senyegelwang go ese go lemosege.
Go sa kopaneng sentle gwa peo ya rre le lee la mme kengwe ya dilo tse di bakang tshenyego ya boimana jo bo diragalng mo dikgweding/dibekeng tsa ntlha. Go senyega ga boimana ka peleego go ka bakwa ke kutlobotlhoko e e feteletseng, mme fa boimana bo senyegile ka ntlha ya go tshwenyega ga maikutlo mo go feteletseng (go bala bala ka pelo) go ka tlhalosiwa fa ele tshenyego ya boimana e e diragetseng ka itetlo.
Mokgwa wa go senya boimana ka itetlo
KALAFO [49]
Abortifacients ke di drugs tse di dirisiwang go senya boimana ke ba bongaka jwa sekgoa. Ka ngwaga wa 2005 go gatisetswe palo tse 13% tsa go senyega ga boimana tse di eleng tsa oketsega go ya kwa go 17% ko lefatsheng la USA. Palo ya bomme ba ba dirisetseng melemo go senya boimana ba sa dirise loaro ke 92% . fa go diragetse gore melemo e retelelwe ke go senya boimana loaro lo ka dirisiwa go tsweledisa tema.
LOARO
Go khutisa boimana ka go dira vacuum abortion go siame thata mo dibekeng tsa ntlha tse di lesome. Go senya boimana ka go goga losea mo popelong go dirisiwa syringe go bitswa go twe ke MVA.EVA ke tiriso ya motakase go ntsha losea mo popelong.dilo tse pedi tse di farologangwa ke gore MVA e ka dirisiwa mo dibekeng tsa ntlha tse mme a itshologetseng ka tsone. D&E e dirisetswa go senya boimana morago ga dibeketse di lesome le botlhano. D&E e bereka ka go bula popelo ya motho wa mme.
Mekgwa e mengwe
Mekgwa e mengwe ya go ka senya boimana e akaretsa bo go dirisa mewa e maswe e tshwane le bogo itaya mpa ya mme yo o itsholofetseng ka motshe, fa e mengwe e akaretsa bo go tsenya lomao mo popelong
[80]
Polokesego Bodiphatsa jwa go senya boimana bo laolwa ke tsela e boimana bo sentsweng ka teng, gore a bo dibelesegile kgotsa ga boa dibelesega. Lephatla la WHO le tlhalosa fa go senya boimana mo go sa babalesegang go dirwa ke batho ba ba sa rutegang mme ebile ba dirisa di tsompelo tse di borai thata. Go khutisa boimana mo mafatsheng aa tlhabologile go dibelsegile thata go fetisa go dibela ngwana ka nako ya pelegi . dintsho tse di bakwang ke go senyegelwa ke boimana di oketsega go ya ka lobaka lo motho wa mme a itshologetseng ka lone, di fokotsega morago ga sebaka sa dibeke dile masome a mabedi le bongwe. Go dirisa loaro la Vacuum aspiration mo dibekeng tsa ntlha tsa boimana ke ngwe tsela e e babalesegileng ka go bo go sena di kgoreletse tse di kalo. Melemo e thusa thata mo malatsing a le masome a mane le borobabobedi a ntlha a boimana go ya kwa go a masome a le boraro, lefa go na le kgonagalo e ntshi ya gore e palelwe ke go senya boimana mo go feletsang go baka tiriso ya loaro. Tiriso ya melemo e na le ditlhabi tse dintshi thata. Bodiphatsa jwa go ka tsenwa ke malwetsi a setlha kantlha ya tiriso ya melemo go senya boimana e ko tlase gona le fa o dirisa loaro,lemororo dintsho dile nne di nkele tsa diragala morago ga go 1.khutisa boiman ka go dirisa melemo Palo e e gatisiwang ngwaga le ngwaga ya dikgobalo le dintsho tse di bakwang ke go khutisa boimana mo go sa babalesegang e ka tshwara dikete kete tse di masome a mabedi, fa bontshi jwa tsone bo diragala mo mafatsheng a itsholelo e e kwa tlase. Molao o o tlhomamisitsweng mababi le go senya boimana o thusa thata mo go lwantsheng tshenyo boimana e e sa babalesegang.
KANKERE YA LEBELE [125] Makgotlana mangwe a supile fa go senyegelwa ke boimana go nyalana thata le Bolwetse jwa kankere ya lebele. Ba tlhalositse gore go kgoreletse lebele go amusa go dira gore gonne le masalela a dikarolonyana tse dinye tsa setshedi mo mmeleng a a felelang a ipopa go nna kankere mo lebeleng. Le fa go ntse jalo makalana a tshwane le bo ga a dumalane le moono o.
BOTSOGO JWA TLHALOGANYO [134] Ba lekalana la tsa maranyane ba supile fa go sena nyalano epe ma gareng ga tatlhegelo ya tlhaloganyo le go senyegelwa ke boimana. Gona le ditlhopha dingwe tsa bo mme ba ba lebaganwang ke dikgwetho tse dintshi ka nako ya go senyega ga boimana. Dingwe tsa dikgwetho tse e kanna bo go tlhoka support. Ba lo phatla lwa tsa tlhaloganyo kwa Amerika ba tlhalositse fa go senyegelwa ga boimana mo legating lwa ntlha go sa bake tatlhegelo ya tlhaloganyo mo mothong wa mme gona le go nna ka boimana jo bo sa bategeng. Dingwe tsa di patiseso di ganyetsana thata le tse di sa tswang go nankolwa, di gatisetsa thata gore gona le tomagano ma gareng ga tatlhegelo ke tlhaloganyo le go senyegelwa ke boimana. Undock edit boxHide edit box Characters: 0
[145] [146] [148] [149]
TIRAGALO Di palo tsa go senyega ga boimana di ile tlase go simologa ka ngwaga wa 1995 go ya kwa go 2003. Phokotsego e e bonala thata mo mafatsheng a itsholelo e e kwa godimo gona le a itsholelo e e kwa tlase.
[161]
Dikeletso tsa setso le batho
Ka ngwaga wa 1998 go tserwe di patisetso mo mafatsheng a masome a mabedi le bosupa go batisisiwa gore ke eng bomme ba senya boimana. Go feleditswe ka gore bomme ba khutisa boimana ka ntlha ya go batla go letla nako e itsholelo ya bone e ba letlang go ka tlhokomela bana fa lengwe la mabaka ele gore bomme ba khutisa boimana go lekanya ditsompelo tse banang natso mo go baba setseng ba ba tshotse.
Go senya boimana mo go sa dibelesegang
[178] Tshenyo boimana e e dirwang ke bo mme ba ba belegisang ba ba rutegileng le ba ba sa rutegang e bakile dintsho dile dintshi thata. Bomme ba ba senyang boimana ba feletsa ba dirisametlhale e sa dibelesegang.[2] kantlha ya gore molao ga o ba letle go ka khutisa boimana. Ba lephatla la WHO ba tlhalosa fa go Khutisa boimana jo bo sa dibelesegang e le tiro e dirwang ka ntlha ya dikeletso tsa motho wa mme,e dirwa ke motho yo o senang kitso kgotsa mo lefelong le le sa babalesegang. Tiragalo e e ka dirwa ke mme yo o itsholofetseng kgotsa mongwe yo o tlhaetseng kitso ya go dirisa melemo ya sekgoa.
Go sa leteleleng go senya boimana ke ba molao go oketsa tshenyo ya boimana e e sa bolokegang ga mmogo le gone go tlhoka ditsompelo tsa itshereletso kgatlhanong le bopimana le malwetse. Go akanyediwa gore tiragalo ya boimana jo bo sa dibelesegang bo ka rarabololwa fela ka go atlametsa ditlamelo tsa itshireletso kwa bathong. [195]
[196]
Boimana jo bo senyegang ka itetlo bo tswa go lowe bontsi bo diragala e bile go ka twe ke tlhabologo mo lefatsheng la China. gona le bosupi gore boiman bo senyegile thata go dirisiwa metlhale e mentsi go akarediwa bo melemo ya go senya boimana, le dilo tse di bogale.
Bangwe ba ba rutegi ba melemo ba ntshitse mogopolo wa gore dingaka tsa Ancient Greek di kganelwe go ka dira tiro ya go khutisa boimana. lefa go ntse jalo bangwe ba rutegi ga ba dumalane le se. Ba letso la Iselamo ba ne ba letlelela go senya boimana go fetlhelela ka nako e ma Moseleme ba dumela gore go na le mowa mo loseeng. Lefa go ntse jalo khutiso ya boimana mo Legareng le ko bokone jwa Iselamo ga go letlelelwe gotlhelele.
Kwa US, go khutisa boiman go ne go le borai thata gona le go tshola ngwana go fitlhelela ka ngwaga wa 1930.
[213] [214] [215] [220] [221] [222]
Setso le Ngwao Nangisano ka fa go khutisa boimana [225] [226] go senya boimana ka itetlo go kgale e leng kgang kgolo e tsosang pharologano ya megopolo mo bathong. megopolo ka ga go senya boimana e ka nna bo kopano jwa ditumelo le pholisi e lomaganyeng ya sechaba. Tumelo ya sekeresete ke ngwe e okeditseng megopolo ya bathomka esi ga mmogo le ngangisano ka ga go khutisa boimana.
Mmolao wa segompieno ka ga go senya boimana [227] [228]
melao e mentsi e laolang go senyega ga boimana. di tumelo le ngwao di tsweletse ka go fetola maikutlo a molao ka ga go senyega ga boimana. ditshwanelo tsa go tshela, ditshwanelo tsa kgololesego ga mmogo le tsa tshireletsego ke tsone konokono ya ditshwanelo tsa setho tse di dirisiwang go siamisa dilo fa molao o seyong teng mabapi le go senyega ga boimana.
[245]
[262]
Mo diphologolong tse dingwe [295] go pholotsa go diragala mo diphologolong ka bontsi go akaretsa bo dinku. e ka bakwa ke go pitlagana fa di tsenelang teng mo sakeng, kgotsa di alotswe ke dintsa. mo dikgomong go pholotsa go ka bakwa ke malwetsi a dikgomo ka go farologana.
References Citations [312]
[313]
Dikgoge tsa kwa ntle [314]
[315] Abortion Policies: A Global Review MedlinePlus Medical Encyclopedia: Abortion
[316] [317] [318] [319]
Go senyega ga boimana
Reproduction
Core issues in ethics
Gynaecology
Boimana
Dikakanyo tsa Bong
Fertility
Dipadi tse dingwe[baakanya | edit source]
- ↑ Bankole et al.,"Reasons Why Women Have Induced Abortions: Evidence from 27 Countries", International Family Planning Perspectives (1998).
- ↑ http://www.gov.bw/Global/MOA/PC_MOH_12.pdf